Motswasele Analysis
Motswasele Analysis
Motswasele Analysis
1
Godimo ga moo kgotlhang e tswelela fa Motswasele a laola polao ya ga Maleke. Maleke
o ne a bolawa ka ntša e khunou ya ga Diratsagae ka thuso ya ngaka ya setso ka go ne
go twe o tsenya diphuthego tsa masigo tse di botlhabetsi mo pusong ya ga Motswasele.
Se se ntse ga se amogelesege ka Maleke e le rangwaneagwe a tshwanetse go tsaya
maele a go busa mo go ene e seng go mmolaya.
Kgotlhang e tswelela fa a gana kagiso a re go iwe ntweng. Kgosi Motswasele o ne a
gana fa Segokotlo a tlile go kopa kagiso ka thomo ya ga Moruakgomo mme
Motswasele a gana a re go iwe ntweng. Se ke kgotlhang ka jaana go tlisa
tlhakatlhakano mo motseng, godimo ga moo o ne a tshwanetse go amogela kopo gore
go nne le thitibalo mo motseng.
Kgotlhang e tswelela fa a tlhanogelwa ke mogakolodi wa gagwe yo mogolo Molotlhanyi.
Molotlhanyi o ne a ya kwa letlhakoreng la ga Moruakgomo a bo a ntsha diphiri tsa
mephato ya ga Motswasele. Se ke kgotlhang ka gore Molotlhanyi o ntse a mo eme
nokeng e bile a mo tlhotlheletsa go dira bosula ka jalo tsholofelo ke gore a mo eme
nokeng go fitlhelela kwa bokhutlong jaaka a ne a ipoka.
Kgotlhang e tswelela fa mephato ya ga Motswasele e fenngwa kwa ntweng. E fentswe
ka a ne a tlhophile Diratsagae, Leapeetswe le Molotlhanyi go etelela mephato ya gagwe
le ntswa ba sa itse sepe ka ntwa mme se sa dira gore mepheto ya ga Motswasele e
latlhegelwe. Se ke kgotlhang ka gore jaanong Motswasele ga a na nonofo ya go
tlhabana a le nosi.
Kgotlhang e felela fa Motswasele a tlhokafala kwa ntweng morago ga go tlhabiwa ke
Moruakgomo ka lerumo. Teng fa ke gone fa setlhoa se senogang teng ka jaana a swa
leso le le nyatsegileng, a swela mo nageng ntswa e le kgosi.
Ga re na mafologelo mme phelelo ke fa losong la ga Kgosi Motswasele.
2
kgokgontsha bagaetsho. Ke ganne kopo ya kagiso fa Segokotlo a romilwe ke
Moruakgomo go kopa gore ke neele morafe kagiso. Godimo ga moo, ke ikeleletsa go
tsenwa ke mowa o bosula. Ke kgosi ya mofuta mang e e ikeleletsang botho jo? Bomatla
jo jwa me jo bo itshupile tota fa ke tlhopha magatlapa a a sa itseng sepe ka tlhabano go
etelela mephato ya me pele. Ke fa gompieno mephato e foforilwe yotlhe, ke fano le nna
tota ga ke itse gore a ke tla a tshela.
Nna ke le Motswasele ke ne ke le setlhogo fa ke laola dipolao tsa bana ba ga Ramodi,
Mogatse Moilwe le Maleke. Bana ba ga Ramodi bone ke ba bolaela gore ga twe ba
kgatlhanong le puso ya me; le fa ba ne ba falola loso ka bobi jwa segokgo. Mogatse
Moilwe ene mathata a gagwe ke go gana ke gapa dikgomo tsa gagwe. Maleke ke
mmolaile ka jaana ga twe o ne a tshwara diphuthego tsa masigo tse di kgatlhanong le
puso ya me. Ke ne ka laola go kgwathisiwa ga ga Moruakgomo le Sejo ntswa ba se na
molato ope o ba o dirileng. Bosetlhogo jo jwa me jo, bo thubile motse wa Mokwena
mme se se ne sa baka ntwa.
Dikgosi tse di tlotlegang, nna yo le mponang ke eme fa ke ne ke le boikgantsho, ke gana
dikgakololo tse di molemo. E rile ke fiwa dikgakololo ke Sejo, ka re ga ke rutiwe bogosi
ke ope ke le kgosi. Ka gatelela ka boikgogomoso gore sengwe le sengwe se se mo
motseng ono ke sa me; ditlhare, batho gotlhe le mmu o ba o gatang. Fa Segokotlo a
romilwe go tla go kopa gore go nne le kagiso mo motseng, ke ne ka mo araba ka
boikgantsho gore a ba bolelele ba utlwe gore re tla a kopana kwa sekgweng sa
Sokwane ba le mmogo. Maduo a boikgantsho jo, a tlisistse tlhabano le kgatampolo ya
batho.
Nna ke le Kgosi Motswasele ke itemogetse gore, kgosi thotobolo e olela matlakala.
Itseng gore re busa batho ba mekgwa le boitsholo jo bo farologanyeng. Jaanong a re ba
amogeleng mme re ba tsenye mo tseleng fa go tlhokega; go se na tshololo ya madi.
Dikgosi ka nna, ke le gakolola gore kana mafoko a kgotla a mantle otlhe, re se ka ra
baya mo go reng lefoko la kgosi le agelwa mosako. Mo dikgotleng tsa lona amogelang
Setswana se se reng mmualebe o bua la gagwe gore go tle go nne le kagiso. Ke eletsa
gore le tseye malebela mo go nna, le se ka la wela ka lemena le ke wetseng ka lone.
Gompieno jaaana ke lebaganwe ke loso ka ntlha ya bofafalele jwa me.
3
gakgamatse fa Kgosi Motswasele a gapa dikgomo tsa ga Mogatse Moilwe le ntswa a
na le dikgomo tsa gagwe tse dintsi. Godimo ga moo go maleba go bona Mogatse
Moilwe a ikanya go swela leruo lwa gagwe ka jaana mo pakeng ya segologolo kgomo ke
yone konokono ya botshelo.
Mo pakeng ya segologolo kgosi e ne di fiwa dithata tse di feteletseng, sepe se a se
buang se diragadiwa ntle le dipotso dipe. Go matshwanedi go bona Kgosi Motswasele a
laola dipolao tsa bo Mogatse Moilwe le Maleke tse di diragadiwang ke barongwa ntle le
dipotso. Se se supa fa e le ruri paka e le ya segologolo e mo go yone tsotlhe di leng mo
kgosing.
Mo pakeng ya segologolo kgosi e ne e busa ka barongwa. Go maleba gore Kgosi
Motswasele a bo a dira sengwe le sengwe ka barongwa jaaka go gapa leruo la bana ba
ga Ramodi le Mogatse Moilwe le go romiwa go bolaya Mogatse Moilwe le Moruakgomo.
Mo pakeng ya segologolo mathata a ne a rarabololwa ka ntwa. Ga go makatse go bo
morafe wa Bakwena o ikgolola mo bogosing jo bo patikang jwa ga Motswasele ka go ya
tlhabanong.
Mo lefelong la legae batho ba ne ba dumela mo botlhoding. Ka jalo go maleba go bona
Senese a re lerubisi le letse le lela bosigo jotlhe le arabana le le le kodu kimana a bo a
boa a tlhalosa fa a lepile dilo tsa mofuta o di supa kutlo-botlhoko e e feteletseng jaaka
morago go nnile le go ketekwa ga bana ba ga Ramodi, dipolao tsa ga Mogatse Moilwe
le Maleke: se se supa fa ba dumela mo botlhoding, ka jalo se se tsamaelana le legae le
ba beilweng mo go lone.
Mo lefelong la legae bongaka jwa setso bo tlotlilwe thata. Ga go thona gore Kgosi
Motswasele a bo a na le ngaka e e neng ya mo thusa go bolaya Maleke ka ntša e
khunou ya ga Diratsagae ka a ne a dumela fa a le kgatlhanong le puso ya gagwe.
4. TSALANO YA DITIRAGALO
Motswasele o reetsa dikgakololo tse di sa siamang tsa ga Molotlhanyi, Leapeetswe le
Diratsagae tsa gore a bolaye bomorwa-rraagwe ka ba le kgatlhanong le puso ya gagwe
mme a bo a di diragatsa se, a ikgatholosa dikgakololo tse di molemo tsa ba lesika la
bogosi; Sejo le Moruakgomo, tsa gore go busa ga se go bolaya. Go tlhoka go reetsa
dikgakololo go tsala gore a buse ka kgokgontsho a bo a laola gore bana ba ga Ramodi
ba bolawe mme ba ne ba falola. Go falola ga bone go mo tsenya tšhakgalo e e dirang
gore a laole gore Mogatse Moilwe a gapelwe dikgomo mme fa a gana ka tsone a
bolawe, o felela a bolailwe. Loso lwa ga Mogatse Moilwe le dira gore Maleke a kopane
le Moruakgomo a mo kopa gore a etelele mophato wa gagwe pele. Botsalano jo bo
tsala gore Molotlhanyi a ye go aka a re kgosi o a rerwa. Maaka a a baka go kgwathisiwa
ga ga Moruakgomo. Go betswa mo go dira gore Moruakgomo a tseye tshwetso ya go
dumalana le Maleke. Tumalano e e dira gore Maleke a bolawe ka go belaelwa gore
diphuthego tsa bone di rera kgosi. Polao ya ga Maleke e bakile gore morafe o kgaogane
4
ka makgamu a mabedi. Makgamu a a baka gore Moruakgomo a rome Segokotlo go re a
ye go kopa kagiso mme Motswasele a feta a gana a re o batla ntwa. Go gana kopo
kagisano ga ga Motswasele go dira gore mephato e ye tlhabanong. Go ya tlhabanong
ga mephato go baka gore mophato wa ga Motswasele o fenngwe ke wa ga
Moruakgomo ka ebile Molotlhanyi a ne a ba boleletse gore kgosi o abile mephato jang.
Go latlhegelwa ga mophato wa ga Motswasele go dira gore a itlhabanele mme a felela a
bolawa ke Moruakgomo.
5
a tlhokafala. Ka jalo mokwadi ga a mo fa sebaka sa go supa kgolo.
6. SEABE SA GA KGOSI MOTSWASELE MO TSWELETSONG YA DITIRAGALO TSA
MOTSHAMEKO WA MOTSWASELE II
Kgosi Motswasele o nnile le seabe se segolo mo tsweledisong ya ditiragalo tsa
motshameko wa Motswasele II. Kgosi Motswasele o na le seabe mo go tse di latelang;
go tshelela mo letshogong ga morafe, tlhaselo ya bana ba ga Ramodi, loso lwa ga
Mogatse Moilwe, go tlhanogelwa ke barongwa, go kgwathisiwa ga ga Moruakgomo,
loso lwa ga Maleke, go kgaogana ga morafe, ntwa e e nnileng teng, le loso lwa gagwe.
Go mo maruding a ga Motswasele gore morafe wa Bakwena o bo o tshelela mo
letshogong. Kgosi Motswasele o ne a kgokgontsha morafe wa Bakwena a ba gapela
leruo jaaka a gapetse Mogatse Moilwe. Kgosi Motswasele o ne gape a bolaya batho
jaaka a bolaile Mogatse Moilwe le Maleke a ba bolaela lesidi ka jalo batho ba nna ba
kokobetse ba tshogetse matshelo a bone.
Kgosi Motswasele o nnile le seabe mo tlhaselong ya bana ba ga Ramodi. O ntshitse
taelo ya gore ba bolawe, le fa ba ne ba seka ba bolawa mme ba gapelwa leruo ba bo ba
lelekwa mo motseng.
Ke ka ntlha ya ga Motswasele go bo Mogatse Moilwe a tlhokafetse. Motswasele o
ntshitse taelo ya gore Mogatse Moilwe a gapelwe dikgomo mme fa a gana ka tsone a
bolawe mme ga diragala fela jalo ka a ne a gana ka tsone.
Go tlhanogelwa ke barongwa ga ga Motswasele re go pega mo magetleng a ga Kgosi
Motswasele. Kgosi Motswasele o ne a nna a roma barongwa ba gagwe go bolaya batho
mo morafeng mme ba felela ba gana ka jaana ba ne ba re ba lapisitswe ke go bolaya e
bile ba lemoga gore ga se tiro ya bone.
Kgosi Motswasele o nnile le seabe se setona mo go kgwathisiweng ga ga Moruakgomo.
Motswasele o ne a dumela maaka otlhe a ga Molotlhanyi a gore Moruakgomo o batla
go mo tseela bogosi mme a felela a laela gore a kgwathisiwa.
Go mo maruding a ga Motswasele gore Maleke a bo a bolailwe. Motswasele o ne a
laola gore Maleke a bolawe a bo a roma Diratsagae gore a ye go bolaya Maleke ka ntša
e khunou e e neng e dirilwe ka ditlhare tsa setso. Ka jalo loso lwa ga Maleke re le pega
mo maruding a ga Motswasele.
Ke ka lebaka la ga Motswasele gore morafe wa Bakwena o bo o kgaogane ka makgamu
a le mabedi. Kgosi Motswasele o ne a kgokgontsha morafe wa Bakwena ka go ba
tseela dikgomo tsa bone gammogo le go ba betsa ba se na molato ope o ba o dirileng,
selo se se dirileng go re morafe o bo o kgaogana ka makgamu a le mabedi , la ga
Motswasele la patiko le la ga Moruakgomo la tshiamo.
Kgosi Motswasele o nnile le seabe mo ntweng e e nnileng teng mo morafeng wa
Bakwena. Kgosi Motswasele o ne a gana kgololesego e e neng e kopiwa ke lekgamu la
ga Moruakgomo nako ya fa ba mophato wa ga Moruakgomo ba romile Segokotlo go ya
6
go kopa gore Motswasele a buse morafe ka kagiso mme a gana a bo a laola gore go
iwe ntweng.
Loso la ga Kgosi Motswasele re le pega mo magetleng a gagwe. Kgosi Motswasele o
ne a gana kgololesego e e neng e kopiwa ke Moruakgomo le lekgamu la gagwe la
tshiamo a bo a bolawa ke Moruakgomo ka segai kwa ntweng a bo a swa a ntshitse
loleme jaaka noga.
7. MOLAETSA
Molaetsa wa motshameko wa Motswasele II ke gore ditiro tse di maswe di tsenya mo
mathateng. Molaetsa o, o senolwa ke motshameki mogolo Motswasele kgosi ya
Bakwena.
Motswasele o dira tiro e e maswe fa a laola gore batho ba morafe wa gagwe ba bolawe.
Motswasele o ne a laola gore bana ba ga Ramodi ba bolawe fela ka gore o ne a utlwile
Molotlhanyi a re ba re puso ya gagwe e a patika. O boa gape a laola gore magatse
Moilwe a bolawe fa a gana ka dikgomo tsa gagwe mo a neng a dira mme a felela a
bolailwe. O boa gape a laola gore monnamogolo Maleke a bolawe ka a ne a utlwile
Molotlhanyi le Diratsagae ba re o na le lekoko le le rerang tlhogo ya ga Motswasele
mme a felela a bolailwe ke Diratsagae ka ntša e khunou. O boa a laola gore
Moruakgomo a bolawe ka jaana a mmoifa e bile a le pelontle mo morafeng mo go neng
ga seka ga diragala ka jaana barongwa ba ne ba mmolelela. Se ke tiro e e maswe ka
jaana Motswasele jaaka kgosi a tshwanetse gore a bo a rwele boikarabelo jwa gore
morafe wa gagwe o sireletsege, e seng gore e bo e le ene yo o kgemethang batho ka
tšhaka le lerumo.
O tswelela ka ditiro tse di maswe fa a sena tlotlo mo go ba losika lwa bogosi. O raya
7
Sejo a re a didimale o a mo tena e bile a ga a kake a mo ruta bogosi e le jwa gagwe.
Motswasele o boa gape a supa go tlhoka tlotlo fa a ntsha taolo ya gore Moruakgomo le
Sejo ba betswe mme ba sa dira sepe se se molato gape e le bagolo ba bogosi.
Moruakgomo o ne a thakgisiwa mme Sejo ene a sia. Se ke tiro e e maswe ka jaana
Motswasele e le kgosi o tshwanetse go bo e le ene a tlotlang batho bogolo jag bagolo
ba bogosi ba a ka tsayang malebela mo go bone.
8
Mathata a ga Motswasele a golela pele fa a bolawa kwa ntweng. Kgosi Motswasele o
ne a gana kgololesege a itse gore a tla a itwela mme a felela a bolailwe ke Moruakgomo
kwa ntweng eo ya gagwe. Se ke mathata ka jaana o ithuntshitse tshwanelo ya go tshela
ka go nna sengangatlela go rarabolola mathata a a neng a le teng.
9
sebatana, a buisiwa ke go bo Kgosi Motswasele a bolaya batho ba se na molato.
Mokwadi o dira gore Sebolai a re Kgosi Motswasele ke sematla ka jaana a bolaya batho
ba ba ka tsogang ba mo thusa ka moso.
Mokwadi o tswelela dirisa kobiso ya ditiragalo. Mokwadi o ikgatlha ka ene , o mo ja
setshego. Mokwadi o dira gore maikaelelo le maikemisetso a ga Kgosi Motswasele a
holotse. Mokwadi o dira gore Kgosi Motswasele a ipolelele gore puso ya morafe wa
Bakwena e tla nna ya gagwe go ya go ileng. Fa motshameko o ntse o tsweletse
mokwadi o folodisa dikeletso tseo ka jaana a dira gore batho ba a neng a ikaegile ka
bone ba mo tlhanogele a bo a felela a bolawa ke Moruakgomo kwa ntweng.
Kwa bofelong mokwadi o dirisa maduo go senola maikutlo a gagwe. Mokwadi o
dirisitse maduao a kotlhao. Mokwadi o dira gore Kgosi Motswasele a tlhanogelwe ke
barongwa ba gagwe fa a ba roma go dira bosula. Mokwadi o dira gape gore morafe wa
gagwe o kgaogane ka makgamu a mabedi, lekgamu la gagwe la patiko le lekgamu la ga
Moruakgomo la kgololesego. Mo godimo ga moo, mokwadi o dira gore Kgosi
Motswasele a fenngwe botlhoko mo ntweng e a neng a e boloditse a bo a bolawa ke
Moruakgomo ka lerumo a ntshitse leleme jaaka noga.
Ka teo leina, tshenolo ya botho, kobiso ya tiragalo, puo le maduo, mokwadi o supa fa
tota a sa rate dikgosi tse di busang ka kgokgontsho.
10